Ngwana Wa Mosetsana Poem by Tumisang Ramarea

Ngwana Wa Mosetsana



Bontle o ka re go ne go dirwa ka bomo
Letlalo le borethe o kare la ya dipula kgomo
Monyenyo o o mosweusweu twaa
O nyerisa tau moko monna a tlhoke kgang

Wena ngwana wa mosetsana, moroba
O ka re naledi e ile ya fologa
Morwadie kgosi e le ruri
Bogadi ke dikgomo, dinku le dipudi

Mme ngwana wa mosetsana o noga
O ka kgaola pelo ya motho noka
O nta ya selomela phateng
Wena o ka kgokolosa monna phateng

Wena o kgorola e senang pelotlhomogi
Bolwetsi bo tlhokang go ntshiwa ka modi
Ga ke eletse ope wa lotso lwa gago
A tshenyo ya lerapo

Monday, August 11, 2014
Topic(s) of this poem: love
COMMENTS OF THE POEM
READ THIS POEM IN OTHER LANGUAGES
Close
Error Success