Ian Khama Poem by David Ration Lekoba

Ian Khama



Kgadiapetsa wena moganganyane wa ga mma seipitseng
E seng gongwe wa tloga wa ikgoela di sa goiweng
Morakaladi le monyenyo wa tshelo jwa Setswana
Batho ka na ke raya motho a tshabetse monyo
Mme e seng wa go o tshabela kgakalakgakala
Ka na ke bua ka tlhong tlhonyane ya ga Mma Besiakhama
Segwetha sa moeka
Sejaro sa kgalegetwa ya magagane wa kwetlepa
Ga ke batle le nkutlwa ka tsa ga morakile
Ka ke raya mogaka wa nnete
Mmotlana Khama mogaka wa lwapa laetsho

Nkutlwang ke a bua!
Ke bua ka mhinyana o sa robegeng
Mhinya wa go hatelwa ka mahatelo a matona
A matona e seng phatsana tsa merula.
Ke raya pilara ya ntlo ya losha.
Ha re diroophata di lekile di retetswe
Digai tsa pipinega mantleleke
Ene a tshwere Phuti, rinyane wa nnete
Motho a nyenyela pelong
Ka bolemo jwa gagwe bo rekomologa
A itse ele jone bo tla khumolotswang mo go jone

Ian ka na ga se motho wa tiitiipote
Ya re go tenwa ke sengwe a se fapose
E seng go se fapogela
Batho ka na mogoa dira wa bo a diikgoela
Mmapola tlalo wa bo itse go le suga
Motho a gabilwe se logaga,
A khumolotsega se lelodi
Mohatela wa nnete
Mogaka, Mogagane wa tshelo jwa losha
Thebe yoora Khama, kgokgonyane ya nnete
Kobo e senang letshoba, mhepa wa yone o sa babeng
Mpha go se go nene the morwa Khama
Lephirime ke jele nna modiidi
Ba re ke pimpitlane baili ba gagwe
Ga ke gane ke a lesa
Ke buile go lekane, e sere ke bake lorata

Errrrr

COMMENTS OF THE POEM
READ THIS POEM IN OTHER LANGUAGES
Close
Error Success